Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 76

Jesu o Phepafatsa Tempele

Jesu o Phepafatsa Tempele

Ka paka ya dikgakologo ka ngwaga wa 30, Jesu o ne a ya kwa Jerusalema. Batho ba le bantsi ba ne ba tlile go keteka moletlo wa Tlolaganyo. Batho ba ne ba isa diphologolo kwa tempeleng. Batho bangwe ba ne ba tla ka diphologolo mme ba bangwe ba ne ba di reka kwa Jerusalema.

Fa Jesu a tsena mo tempeleng, o ne a bona batho ba rekisa diphologolo. Ba ne ba dira seo mo ntlong ya ga Jehofa! Jesu o ne a dira eng? O ne a loga seme mme a ntsha dinku le dikgomo tse di neng di le mo tempeleng. O ne a diga ditafole tsa batho bao mme madi a bone a ne a gasama mo tempeleng. Jesu o ne a raya batho ba ba neng ba rekisa maphoi a re: ‘Ntshang dilo tseno fano! Lo se ka lwa dira ntlo ya ga Rre lefelo la go rekisa!’

Batho ba ba neng ba lebile ba ne ba gakgamaletse se Jesu a neng a se dira. Barutwa ba gagwe ba ne ba gopola boporofeti jo bo neng bo bua ka ene bo re: ‘Ke tla rata ntlo ya ga Jehofa.’

Go ile ga diragala se se tshwanang ka ngwaga wa 33. Jesu o ne a sa batle gore batho ba nyatse ntlo ya ga Rraagwe.

“Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” —Luke 16:13