Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 78

Jesu o Rera ka Bogosi

Jesu o Rera ka Bogosi

Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a raya batho a re: ‘Bogosi Jwa Modimo bo atametse.’ Barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaya le ene fa a ntse a rera kwa Galalea le kwa Judea. Fa Jesu a boela kwa motseng o a tsholetsweng kwa go one wa Nasaretha, o ne a ya kwa lefelong la kobamelo, a bula momeno wa ga Isaia a bo a o balela kwa godimo a re: ‘Jehofa o nneile moya o o boitshepo gore ke bolelele batho dikgang tse di molemo.’ Jesu o ne a raya jang? O ne a raya gore le fa batho ba ne ba batla gore a dire dikgakgamatso, lebaka la go bo Modimo a mo neile moya oo e ne e le gore a rere dikgang tse di molemo. Go tswa foo, o ne a raya batho ba ba neng ba mo reeditse a re: ‘Boporofeti jono bo diragaditswe gompieno.’

Jesu o ne a ya kwa Lewatleng la Galalea mme a kopana le barutwa ba gagwe ba banê ba ba neng ba tshwara ditlhapi e bong Petere, Anderea, Jakobe le Johane. O ne a ba raya a re: ‘Ntshalang morago mme ke tla dira gore lo tshware batho.’ Ba ne ba tlogela kgwebo ya bone ya go tshwara ditlhapi ka yone nako eo mme ba mo sala morago. Ba ne ba bolelela batho ba Galalea ka Bogosi jwa ga Jehofa. Ba ne ba bua le batho kwa mafelong a kobamelo, kwa marekisetsong le mo seterateng. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone, ba ne ba setswe morago ke batho ba le bantsi. Batho ba kwa Siria le bone ba ne ba utlwa ka Jesu.

Fa nako e ntse e ya, Jesu o ne a naya barutwa bangwe ba gagwe maatla a gore ba fodise batho le go leleka madimona. Ba bangwe ba ne ba tsamaya le ene go ya kwa metseng le kwa metsaneng. Basadi bangwe ba ba dumelang mo Modimong ba ba jaaka Marea Magadalena, Joana, Susana le ba bangwe ba ne ba tlhokomela Jesu le barutwa ba gagwe.

Fa Jesu a sena go ruta balatedi ba gagwe, o ne a ba laela gore ba ye go rera. Fa ba ntse ba rera mo Galalea, ba ile ba thusa batho ba le bantsi gore ba nne barutwa le go kolobediwa. Batho ba le bantsi ba ne ba batla go nna balatedi ba ga Jesu mo Jesu a neng a ba tshwantsha le masimo a a buduleng. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: ‘Kopang Jehofa gore a romele badiri ba ba oketsegileng.’ Moragonyana o ne a tlhopha barutwa ba le 70 mme a ba romela ka bobedi gore ba ye go rera kwa Judea. Ba ne ba ruta batho ka Bogosi Jwa Modimo. Fa ba tswa go rera, ba ne ba itumeletse go tla go bolelela Jesu gore ba tsamaile jang. Diabolo o ne a ka se ka a kgona go emisa tiro eo.

Jesu o ne a tlhomamisa gore barutwa ba gagwe ba tla kgona go tswelela ba dira tiro eno e e botlhokwa fa a sena go boela kwa legodimong. O ne a ba raya a re: ‘Rerang dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Rutang batho Lefoko la Modimo mme lo ba kolobetse.’

“Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le kwa metseng e mengwe, ka gonne ke rometswe go dira jalo.”—Luke 4:43