Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 84

Jesu o Tsamaya mo Metsing

Jesu o Tsamaya mo Metsing

Jesu o ne a kgona go fodisa batho ba ba lwalang le go tsosa ba ba suleng. Gape o ne a kgona go laola diphefo le dipula. Fa Jesu a sena go rapela kwa thabeng, o ne a leba kwa Lewatleng la Galalea mme a bona phefo e maatla e foka. Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba le mo sekepeng ba leka go dira gore se se ka sa tsewa ke phefo. Jesu o ne a simolola go tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa sekepeng. Baaposetoloi ba ne ba tshogile fa ba bona motho a tsamaya mo godimo ga metsi. Mme Jesu o ne a ba raya a re: ‘Se boifeng. Ke nna.’

Petere o ne a re: ‘Morena fa e le gore ke wena, a nka tswa mo sekepeng mme ke tle kwa go wena?’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘O ka tla.’ Petere o ne a tswa mo sekepeng a tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa go Jesu le fa phefo e ne e maatla thata. Mme fa a ntse a atamela, Petere o ne a leba phefo mme a tshoga. O ne a simolola go nwela mo metsing. Petere o ne a goa a re: ‘Morena, nthuse!’ Jesu o ne a mo tshwara ka seatla a bo a re: ‘Goreng o ne o belaela? O tshwanetse o ka bo o nnile le tumelo.’

Fa Jesu le Petere ba tsena mo sekepeng, ka bonako fela ke fa phefo e sisibala. O akanya gore baaposetoloi ba ile ba ikutlwa jang? Ba ne ba re: “Ruri o Morwa Modimo.”

E ne e se lekgetlo la ntlha Jesu a laola maemo a bosa. Nako nngwe fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba le mo sekepeng, Jesu o ne a ya go robala. Fa a ntse a robetse, phefo e maatla e ne ya simolola go foka. Makhubu a ne a itaagana mo sekepeng mme metsi a tsena mo go sone. Baaposetoloi ba ne ba tsosa Jesu ba goa ba re: ‘Moruti re thuse re tloga re swa!’ Jesu o ne a tsoga mme a laela lewatle a re: ‘Didimala!’ Phefo e ne ya kgaotsa. Jesu o ne a botsa baaposetoloi ba gagwe a re: ‘Goreng lo se na tumelo?’ Ba ne ba bua ba re: ‘Le eleng diphefo le lewatle di a mo utlwa.’ Baaposetoloi ba ne ba ithuta gore fa ba tshepa Jesu, ga ba tlhoke go boifa sepe.

“Nkabo ke le kae fa ke ne ke se na tumelo gore ke tle ke bone molemo wa ga Jehofa mo lefatsheng la batshedi?”—Pesalema 27:13