Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 87

Jesu O ja Le Baaposetoloi ba Gagwe Labofelo

Jesu O ja Le Baaposetoloi ba Gagwe Labofelo

Bajuda ba ne ba keteka moletlo wa Tlolaganyo ngwaga le ngwaga mo letsatsing la bo14 la kgwedi ya Nisane. Ba ne ba gopola tsela e Jehofa a ileng a ba golola ka yone mo bokgobeng kwa Egepeto le go ba tlisa mo lefatsheng le a neng a ba solofeditse lone. Ka ngwaga wa 33, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba keteka moletlo oo kwa kamoreng e e kwa godimo mo ntlong nngwe kwa Jerusalema. Fa ba sena go ja, Jesu o ne a re: ‘Mongwe wa lona o tlile go nthekisa.’ Baaposetoloi ba ne ba gakgametse mme ba botsa Jesu ba re: ‘Ke mang yoo?’ Jesu o ne a re: ‘Ke monna yo ke tla mo nayang senkgwe seno.’ Go tswa foo, o ne a se naya Judase Isekariota. Ka yone nako eo, Judase o ne a tsamaya.

Go tswa foo, Jesu o ne a nathoganya senkgwe a bo a se naya baaposetoloi ba gagwe. O ne a re: ‘Tsayang lo je. Senkgwe seno se emela mmele wa me o ke tlileng go o ntsha.’ Go tswa foo, o ne a rapelela beine mme a e naya baaposetoloi ba gagwe. O ne a re: ‘Tsayang lo nwe. Beine eno e emela madi a me a ke tlileng go a ntsha gore lo itshwarelwe maleo a lona. Ke lo solofetsa gore lo tla nna dikgosi le nna kwa legodimong. Dirang seno ngwaga le ngwaga e le go nkgopola.’ Ngwaga le ngwaga, balatedi ba ga Jesu ba kopana mmogo go tla go gopola letsatsi leo. Gone jaanong pokano eo e bidiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa.

Fa ba sena go ja, baaposetoloi ba ne ba ngangisana gore ke mang yo mogolo. Mme Jesu o ne a ba raya a re: ‘Yo mogolo ke yo o sa itseyeng a le botlhokwa thata.

‘Lo ditsala tsa me. Ke lo bolelela sengwe le sengwe se Rre a batlang ke lo bolelela sone. Go ise go ye kae, ke ya kwa go Rre kwa legodimong. Lona lo tla sala mo lefatsheng mme batho ba tla bona gore lo barutwa ba me ka tsela e lo ratanang ka yone. Lo tshwanetse go ratana fela jaaka ke lo ratile.’

Go tswa foo, Jesu o ne a rapela a kopa Jehofa gore a sireletse barutwa botlhe ba gagwe. O ne a kopa Jehofa gore a ba thuse gore ba bereke mmogo ka kagiso. O ne a rapela gore leina la ga Jehofa le galalediwe. Go tswa foo, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba opela mme ba tsamaya. Nako ya gore Jesu a tshwarwe e ne e gorogile.

“Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o itumeletse go lo naya Bogosi.” —Luke 12:32