Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 88

Jesu o a Tshwarwa

Jesu o a Tshwarwa

Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba feta mo Molatswaneng wa Kiderona ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware. E ne e le mo gare ga bosigo e bile ngwedi o tletse. Fa ba goroga kwa tshimong ya Gethesemane, Jesu o raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Nnang fano mme lo nne lo disitse.” Go tswa foo, Jesu o ne a tsamaela kwa pelenyana a bo a khubama. O ne a rapela Jehofa a utlwile botlhoko a re: “A go diragale thato ya gago.” Jehofa o ne a romela moengele go ya go mo kgothatsa. Fa Jesu a boela kwa baaposetoloing, o ne a ba fitlhela ba robetse. O ne a ba raya a re: ‘Tsogang! Ga se nako ya go robala! Nako e setse e gorogile ya gore baba ba me ba ntshware.’

Ka bonako fela, Judase o ne a tla a setswe morago ke batho ba le bantsi ba tshotse ditšhaka le melamu. O ba isitse koo ka gonne a itse gore o ne a tlhola a tla le Jesu mo tshimong eo. Judase o ne a bolelela masole gore o tla dira eng gore ba lemoge gore Jesu ke mang. O ne a ya kwa go Jesu mme a re: ‘Dumela Moruti,’ go tswa foo a bo a mo suna. Jesu o ne a mo raya a re: ‘Judase a ke yone tsela e o nthekisang ka yone?’

Jesu o ne a botsa batho ba Judase a tlileng le bone a re: “Lo batla mang?” Ba ne ba re: “Jesu Monasaretha.” O ne a ba raya re: “Ke nna,” mme ba ne ba boela morago ba bo ba wa. Jesu o ne a ba botsa gape a re: “Lo batla mang?” Ba ne ba re: “Jesu Monasaretha.” Jesu a boa a re: ‘Ke lo boleletse gore ke nna. Lesang banna bano ba tsamaye.’

Fa Petere a bona se se diregang, o ne a ntsha tšhaka mme a kgaola tsebe ya ga Maleko yo e neng e le modiredi wa moperesiti yo mogolo. Mme Jesu o ne a e busetsa. Go tswa foo, Jesu o ne a raya Petere a re: ‘Busetsa tšhaka ya gago. Fa o lwa ka tšhaka, o tla bolawa ka yone.’ Masole a ne a tshwara Jesu, a mo bofa matsogo mme baaposetoloi ba tlhanola direthe. Ba ne ba isa Jesu kwa go moperesiti yo mogolo e bong Anase. Mme Anase o ne a mmotsa dipotso a bo a mo romela kwa Moperesiting yo Mogolo e bong Kaiafase. Go ile ga diragalang ka baaposetoloi?

“Mo lefatsheng lo tla nna le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—Johane 16:33