Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 90

Jesu o Swela Kwa Gologotha

Jesu o Swela Kwa Gologotha

Baperesiti ba bagolo ba ne ba isa Jesu kwa go Pilato. Pilato o ne a ba botsa a re: ‘Lwa re monna yono o dirileng se se phoso?’ Ba ne ba re: ‘O raya batho a re ke kgosi.’ Pilato o ne a botsa Jesu a re: ‘A o Kgosi ya Bajuda?’ Jesu o ne a mo araba a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”

Go tswa foo, Pilato o ne a romela Jesu kwa kgosing ya Galalea e bong Herode gore a mmotse dipotso. Herode ga a ka a bona sepe se se phoso se go tweng Jesu o se dirile. O ne a mmusetsa kwa go Pilato. Pilato o ne a raya batho bao a re: ‘Nna le Herode ga re bone sepe se se phoso se monna yono a se dirileng. Ke tla mo golola.’ Batho ba ne ba goa ba re: ‘A a bolawe! A a bolawe!’ Masole a ne a itaya Jesu ka seme, a mo kgwela mathe le go mo itaya ka mabole. Ba ne ba mo rwesa serwalo sa mmitlwa ba bo ba mo sotla ba re: ‘Dumela wena Kgosi ya Bajuda.’ Pilato o ne a raya batho gape a re: ‘Monna yono ga a dira sepe se se phoso.’ Ba ne ba goa ba re: ‘A a bapolwe!’ Pilato o ne a mo golola gore ba mmolaye.

Ba ne ba isa Jesu kwa lefelong le le bidiwang Gologotha mme ba mo kokotela mo koteng. Jesu o ne a rapela a re: ‘Rre, ba itshwarele ka gonne ga ba itse se ba se dirang.’ Batho ba ne ba tshega Jesu ba re: ‘Fa e le gore o Morwa Modimo, fologa mo koteng eo! Ipoloke.’

Mongwe wa banna ba ba neng ba kokotetswe gaufi le Jesu o ne a mo raya a re: “O nkgakologelwe fa o tsena mo Bogosing jwa gago.” Jesu o ne a mo solofetsa a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” Go ne ga nna lefifi le legolo ka diura di le tharo le fa go ne go le motshegare. Ditsala dingwe tsa ga Jesu di ne di le gaufi le kota go akaretsa le mmaagwe Jesu e bong Marea. Jesu o ne a kopa Johane gore a mo tlhokomelele mmaagwe.

Morago Jesu o ne a re: “Go diragaditswe!” O ne a tsenya tlhogo mme a tlhokafala. Ka yone nako eo, lefatshe le ne la roroma. Mme garetene e kgolo e e kwa tempeleng e e kgaoganyang felo ga Boitshepo le felo ga Boitshepo Jwa Maitshepo e ne ya gagoga ka bogare. Mongwe wa masole o ne a re: ‘Ruri monna yono e ne e le Morwa Modimo.’

“Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka nna dintsi jang, di nnile Ee ka ene.”—2 Bakorintha 1:20