Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 91

Jesu o Tsosiwa mo Baswing

Jesu o Tsosiwa mo Baswing

Monna mongwe yo o humileng yo o bidiwang Josefa o ne a kopa Pilato gore a mo letle go ntsha setopo sa ga Jesu mo koteng. Josefa o ne a phuthela setopo seo ka letsela le le turang le go se tshasa dinkgisamonate a bo a se tsenya mo lebitleng. O ne a tswala lebitla leo ka leje le legolo. Baperesiti ba bagolo ba ne ba raya Pilato ba re: ‘Re tshaba gore barutwa bangwe ba ga Jesu ba tla tsaya setopo sa gagwe ba bo ba raya batho ba re Jesu o tsositswe mo baswing.’ Ka jalo, Pilato o ne a ba raya a re: ‘Tswalang lebitla la gagwe mme lo beye batho gore ba le dise.’

Mo letsatsing la boraro, basadi bangwe ba ne ba ya kwa lebitleng mme ba fitlhela leje le tlositswe. Moengele yo o neng a le mo teng ga lebitla o ne a ba raya a re: ‘Se boifeng. Jesu o tsositswe mo baswing. Tsamayang lo ye go bolelela barutwa ba gagwe gore o tla kopana le bone kwa Galalea.’

Marea Magadalena o ne a itlhaganela go ya go batla Petere le Johane. O ne a ba raya a re: ‘Mongwe o tshotse setopo sa ga Jesu!’ Petere le Johane ba ne ba tabogela kwa lebitleng mme ba fitlhela setopo se seyo ba bo ba boela gae.

Fa Marea a boela kwa lebitleng, o ne a bona baengele ba babedi ba dutse mo teng ga lebitla mme a ba raya a re: ‘Ga ke itse gore ba isitse kae Morena wa me.’ Go tswa foo, o ne a bona monna mongwe. O ne a akanya gore monna yoo o bereka mo tshimong eo, ka jalo o ne a mo raya a re: ‘Rra, ke kopa o mpolelele gore o mo isitse kae.’ Monna yoo o ne a mo raya a re: “Marea!” O ne a lemoga ka bonako gore monna yoo ke Jesu. O ne a lela a re: “Moruti!” a bo a mo tlamparela. Jesu o ne a mo raya a re: ‘Tsamaya o ye go bolelela barutwa ba me gore o mpone.’ Marea o ne a itlhaganela a ya kwa barutweng ba ga Jesu mme a ba bolelela gore o bone Jesu.

Mo go lone letsatsi leo, barutwa ba babedi ba ne ba le mo tseleng ba tswa kwa Jerusalema ba ya kwa Emao. Monna mongwe o ne a tsamaya le bone mme a ba botsa gore ba bua ka eng. Ba ne ba mo raya ba re: ‘A ga o ise o utlwe? Malatsi a mararo a a fetileng, baperesiti ba bagolo ba ne ba bolaya Jesu. Gone jaanong basadi bangwe ba re Jesu o tsositswe mo baswing.’ Monna yoo o ne a ba botsa a re: ‘A ga lo dumele se baporofeti ba se buileng? Ba rile Keresete o tla swa mme o tla tsosiwa mo baswing.’ O ne a ba tlhalosetsa Dikwalo. Fa ba fitlha kwa Emao, barutwa ba ne ba kopa monna yono gore a tsamaye le bone. Fa monna yoo a sena go rapelela dijo tsa maitseboa, ba ile ba lemoga gore ke Jesu. Go tswa foo, o ne a nyelela.

Barutwa bao ba babedi ba ne ba tabogela kwa ntlong e e kwa Jerusalema kwa baaposetoloi ba neng ba phuthegetse gone mme ba ba bolelela se se diragetseng. Fa ba ntse ba bua, Jesu o ne a bonala fa go bone. Kwa tshimologong, baaposetoloi ba ne ba sa dumele gore ke Jesu. Mme o ne a ba raya a re: ‘Bonang diatla tsa me; di tshwareng. Go kwadilwe ga twe Keresete o tla tsosiwa mo baswing.’

“Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”—Johane 14:6