Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 92

Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe

Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe

Nakonyana fa Jesu a sena go tlhagelela mo baaposetoloing ba gagwe, Petere o ne a ya go tshwara ditlhapi kwa Lewatleng la Galalea. Thomase, Jakobe, Johane le barutwa bangwe ba ne ba tsamaya le ene. Ga ba a ka ba tshwara sepe bosigo jotlhe.

Mo mosong, ba ne ba bona monna mongwe a eme fa lotshitshing lwa lewatle. O ne a ba goeletsa a re: ‘A lo tshwere sengwe?’ Ba ne ba re: “Nnyaa!” Monna yoo o ne a ba raya a re: “Latlhelang letlowa kafa mojeng wa mokoro.” Ba ne ba dira jalo mme ba tshwara ditlhapi tse dintsi. Ka bonako fela ke fa Johane a lemoga gore monna yoo ke Jesu mme a re: “Ke Morena!” Ke fa Petere a itatlhela mo metsing a bo a thumela kwa go Jesu. Barutwa ba bangwe ba ne ba tla ka mokoro.

Fa ba goroga, ba ne ba fitlhela a besitse senkgwe le tlhapi. Jesu o ne a ba kopa gore ba tlise ditlhapi tse dingwe gore a di bese. Go tswa foo, o ne a ba raya a re: ‘Tlang lo jeng.’

Fa ba sena go ja, Jesu o ne a botsa Petere a re: ‘A o nthata go feta ditlhapi tseno?’ Petere o ne a re: ‘Ee Morena, o a itse gore ke a go rata.’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘Fepa dinku tsa me.’ Jesu o ne a mmotsa gape a re: ‘Petere, a o a nthata?’ Petere o ne a re: ‘Morena o a itse gore ke a go rata.’ Jesu o ne a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.” Jesu o ne a mmotsa potso eo gape. Petere o ne a utlwa botlhoko mme a mo raya a re: ‘Morena o itse sengwe le sengwe. O a itse gore ke a go rata.’ Jesu o ne a mo raya a re: “Fepa dinku tsa me tse dinnye.” Go tswa foo, Jesu o ne a re: “Tswelela o ntshale morago.”

“[Jesu] a ba raya a re: ‘Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.’ Ba tlogela matlowa ka yone nako eo, ba mo sala morago.”—Mathaio 4:19, 20