Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 93

Jesu o Boela Kwa Legodimong

Jesu o Boela Kwa Legodimong

Jesu o ne a kopana le barutwa ba gagwe kwa Galalea. O ne a ba naya taelo ya botlhokwa e e reng: ‘Tsamayang lo ye go rerela batho ba lefatshe lotlhe. Ba ruteng dilo tse ke di lo rutileng lo bo lo ba kolobetsa.’ Go tswa foo, o ne a ba tshepisa jaana: ‘Gopolang gore ke tla nna ke na le lona.’

Mo malatsing a le 40 Jesu a tsositswe, o ne a bonwa ke barutwa ba gagwe ba le bantsi kwa Galalea le kwa Jerusalema. O ne a ba ruta dilo tsa botlhokwa a bo a dira dikgakgamatso di le dintsi. Go tswa foo, Jesu o ne a kopana le barutwa ba gagwe lekgetlo la bofelo kwa Thabeng ya Lotlhware. O ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tswa mo Jerusalema. Nnang lo letetse se Rara a se lo solofeditseng.’

Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa mo tlhaloganye. Ba ne ba mmotsa ba re: ‘A jaanong o ya go nna Kgosi ya Iseraele?’ Jesu o ne a ba raya a re: ‘Ga e ise e nne nako ya gore Jehofa a ntire Kgosi. Lo tla amogela maatla a moya o o boitshepo mme lo tla bolelela batho ka nna. Tsamayang lo ye go rera kwa Jerusalema, Judea, Samarea le kwa mafelong a a kgakala.’

Go tswa foo, Jesu o ne a tlhatlosediwa kwa legodimong mme leru la mo khurumetsa. Barutwa ba gagwe ba ne ba lebile kwa godimo mme Jesu o ne a nyelela.

Ba ne ba fologa Thaba ya Lotlhware mme ba ya kwa Jerusalema. Ba ne ba tlhola ba kopana mo kamoreng e e kwa godimo e bile ba rapela mo go yone. Ba ne ba letetse Jesu gore a ba neye ditaelo tse dingwe.

“Dikgang tse di molemo tseno tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le baagi gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe, mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14