Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 94

Barutwa ba Newa Moya o o Boitshepo

Barutwa ba Newa Moya o o Boitshepo

Malatsi a le lesome fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, o ne a romelela barutwa ba gagwe moya o o boitshepo. Seno se diragetse ka ngwaga wa 33 fa batho ba ne ba tlile kwa Jerusalema go tla go keteka moletlo wa Pentekosete. Barutwa ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ne ba kopane mo kamoreng e e kwa godimo mo ntlong nngwe. Go ne ga direga sengwe se se gakgamatsang. Go ne ga bonala selo se e keteng ke molelo mo ditlhogong tsa barutwa mme ba ne ba simolola go bua dipuo tse di farologaneng. Go ne ga utlwala modumo o e keteng ke wa phefo mo ntlong.

Batho ba ba neng ba tlile moletlong kwa Jerusalema ba ne ba utlwa modumo oo mme ba ya go tlhola gore go direga eng. Ba ne ba gakgamala tota fa ba utlwa barutwa ba bua dipuo tse di farologaneng. Ba ne ba re: ‘A batho bano ga ba tswe kwa Galalea? Ba ithutile kae dipuo tsa rona?’

Go tswa foo, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba ema fa pele ga batho bao. Petere o ne a ba bolelela gore Jesu o bolailwe jang le gore Jehofa o ile a mo tsosa mo baswing. Petere o ne a re: ‘Gone jaanong Jesu o ntse ka fa seatleng sa moja sa Modimo mme o re neile moya o o boitshepo jaaka a ne a re solofeditse. Ke ka moo lo boneng dikgakgamatso tseno di direga.’

Batho ba ne ba amiwa pelo ke mafoko a ga Petere mme ba mmotsa ba re: ‘Re tshwanetse go dira eng?’ O ne a ba raya a re: ‘Tlogelang dilo tse di sa siamang tse lo di dirang mme lo kolobediwe mo leineng la ga Jesu. Le lona o tla lo naya mpho ya moya o o boitshepo.’ Go ile ga kolobediwa batho ba ka nna 3 000 mo letsatsing leo. Go tloga ka nako eo, palo ya barutwa ba ga Jesu kwa Jerusalema e ne ya oketsega thata. Moya o o boitshepo o ne wa thusa baaposetoloi gore ba tlhome diphuthego tse di oketsegileng gore ba kgone go ruta barutwa bano ba basha dilo tsotlhe tse Jesu a ba boleletseng tsone.

“Fa o bolela phatlalatsa ka molomo wa gago gore Jesu ke Morena o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, o tla bolokwa.”—Baroma 10:9