Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 95

Ga ba A ka Ba Tlogela go Rera

Ga ba A ka Ba Tlogela go Rera

Monna mongwe yo o sa kgoneng go tsamaya o ne a ntse mo kgorong ya tempele a kopa. Nako nngwe o ne a bona Petere le Johane ba tsena mo tempeleng. O ne a ba raya a re: ‘Ke kopa lo mphe madi kgotsa sengwe fela.’ Petere o ne a mo raya a re: ‘Nka go naya sengwe se se botoka go gaisa madi. Mo leineng la ga Jesu, ema o tsamaye!’ Go tswa foo, Petere o ne a mo thusa go ema mme monna yoo a simolola go tsamaya. Batho ba ne ba itumeletse go bona kgakgamatso eo mme bontsi jwa bone ba ne ba dumela mo go Jesu.

Mme baperesiti le Basadukae ba ne ba sa itumela. Ba ne ba tshwara baaposetoloi bano, ba ba isa kwa kgotlatshekelo ba bo ba ba botsa ba re: ‘Ke mang a lo neileng maatla a go fodisa monna yono?’ Petere o ne a re: ‘Jesu Keresete yo lo mmolaileng ke ene a re neileng maatla.’ Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba goa ba re: ‘Tlogelang go bua ka Jesu!’ Baaposetoloi ba ne ba re: ‘Ga re kitla re tlogela go bua ka Jesu.’

Ka bonako fela fa Petere le Johane ba sena go gololwa, ba ne ba ya kwa barutweng ba bangwe mme ba ba bolelela se se diragetseng. Botlhe ba ne ba rapela ba kopa Jehofa ba re: ‘Tsweetswee re neye bopelokgale gore re kgone go tswelela ka tiro ya gago.’ Jehofa o ne a ba naya moya o o boitshepo mme ba ne ba tswelela ba rera e bile ba fodisa batho. Batho ba le bantsi ba ne ba dumela mo go Jesu. Basadukae ba ne ba fufega thata mo ba neng ba tshwara baaposetoloi ba ba tsenya mo kgolegelong. Mme fa go le bosigo, Jehofa o ne a romela moengele gore a bule dikgoro tsa kgolegelo mme a reye baaposetoloi a re: ‘Boelang kwa tempeleng mme lo rute gone.’

Mo mosong, kgotlatshekelo ya Sanehederine e ne ya bolelelwa go re: ‘Dikgoro tsa kgolegelo di sa ntse di lotletswe mme banna ba lo neng lo ba tshwere ga ba yo! Ba kwa tempeleng ba ruta batho!’ Baaposetoloi ba ne ba tshwarwa gape ba isiwa kwa kgotlatshekelo ya Sanehederine. Moperesiti yo mogolo o ne a ba raya a re: ‘A ga re a lo bolelela gore lo se ka lwa tlhola lo bua ka Jesu?’ Petere o ne a re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”

Baeteledipele ba ne ba galefile thata mo ba neng ba batla go bolaya baaposetoloi bano. Mme Mofarasai mongwe yo o bidiwang Gamaliele o ne a ba raya a re: ‘Itlhokomeleng! Banna bano ba ka tswa ba thusiwa ke Modimo. A lo batla go iphitlhela lo lwa le Modimo?’ Ba ne ba mo reetsa. Fa ba sena go itaya baaposetoloi ka dithupa le go ba laela gape gore ba se ka ba tlhola ba rera, ba ne ba ba letla go tsamaya. Mme baaposetoloi ba ile ba tswelela ka tiro ya bone. Ba ne ba rera dikgang tse di molemo mo tempeleng le mo matlong a batho.

“Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” —Ditiro 5:29