Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 96

Jesu o Tlhopha Saulo

Jesu o Tlhopha Saulo

Saulo e ne e le moagi wa Roma yo o tsholetsweng kwa Tareso. E ne e le Mofarasai e bile a itse Molao wa Sejuda mme gone a tlhoile Bakeresete. O ne a ba ntsha mo matlong a bone mme a ba tsenya mo kgolegelong. E bile o ne a eme a lebile fa batho ba ne ba ngata Setefane ka maje go fitlha a swa.

Saulo o ne a sa batle go bogisa Bakeresete ba kwa Jerusalema fela. O ne a kopa moperesiti yo mogolo gore a mo neye tetla ya go ya kwa toropong ya Damaseko go ya go bogisa Bakeresete ba bangwe. Fa Saulo a le gaufi le toropo eo, o ne a bona lesedi le phatsima go mo dikologa mme a wela fa fatshe. O ne a utlwa lentswe le re: ‘Saulo, ke eng fa o mpogisa?’ O ne a botsa a re: ‘O mang?’ Lentswe leo le ne la re: ‘Ke nna Jesu. Ya kwa Damaseko, o tla fitlha o bolelelwa gore o dire eng.’ Saulo o ne a foufala ka yone nako eo mme a isiwa kwa toropong a tshwerwe ka letsogo.

Kwa Damaseko, go ne go na le Mokeresete mongwe yo o ikanyegang a bidiwa Ananiase. Jesu o ne a raya Ananiase a re: ‘Ya kwa ntlong ya ga Judase e e kwa seterateng sa Tlhamalalo mme o fitlhe o batle Saulo.’ Ananiase o ne a re: ‘Morena, ke itse monna yoo! O tsenya barutwa ba gago mo kgolegelong!’ Mme Jesu o ne a re: ‘Ya kwa go ene. Ke mo tlhophile gore a ye go rera dikgang tse di molemo kwa ditšhabeng tse dingwe.’

Ananiase o ne a ya kwa go Saulo mme a mo raya a re: ‘Saulo, Jesu o nthomile gore ke tle go go bula matlho.’ Matlho a ga Saulo a ne a bulega. O ne a ithuta ka Jesu a bo a nna morutwa wa gagwe. Fa Saulo a sena go kolobediwa, o ne a tsamaya le Bakeresete ba bangwe go ya go rera kwa disinagogeng. Akanya fela gore Bajuda ba ne ba gakgametse jang fa ba bona Saulo a ruta batho ka Jesu. Ba ne ba re: ‘A monna yono ga e se ene yo o neng a tlhola a bogisa barutwa ba ga Jesu?’

Saulo o ne a fetsa dingwaga di le tharo a rerela batho ba kwa Damaseko. Bajuda ba ne ba tlhoile Saulo e bile ba batla go mmolaya. Bakaulengwe ba ne ba utlwa ka seo mme ba mo thusa go tshaba. Ba ne ba mo falotsa.

Fa Saulo a le kwa Jerusalema, o ne a leka go etela bakaulengwe. Mme ba ne ba mo tshaba. Morutwa mongwe yo o bidiwang Barenabase o ne a tsamaya le Saulo go ya go kopana le baaposetoloi mme a ba tlhalosetsa gore Saulo o fetogile. Saulo o ne a rera dikgang tse di molemo le Bakeresete ba kwa Jerusalema. Moragonyana o ne a bidiwa Paulo.

“Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng gore a boloke baleofi. Mo go bano, ke nna yo ke neng ke na le maleo a mantsi.”—1 Timotheo 1:15