Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 97

Korenelio o Newa Moya o o Boitshepo

Korenelio o Newa Moya o o Boitshepo

Kwa Kaesarea, go ne go na le mookamedi mongwe wa masole a Roma yo o neng a bidiwa Korenelio. Bajuda ba ne ba mo tlotla le fa e ne e se Mojuda. O ne a thusa batho ba ba humanegileng. Korenelio o ne a dumela mo go Jehofa e bile a mo rapela ka metlha. Letsatsi lengwe moengele o ne a tla kwa go Korenelio a bo a mo raya a re: ‘Modimo o utlwile dithapelo tsa gago. Jaanong romela banna gore ba ye kwa Jopa ba ye go tla le Petere.’ Ka bonako fela, Korenelio o ne a romela banna ba le bararo go ya koo.

Ka yone nako eo, Petere o ne a lora diphologolo tse Modimo a neng a re Bajuda ba se ka ba di ja. Mme o ne a utlwa lentswe le mo raya le re a di je. Petere o ne a gana mme a re: ‘Ga ke ise ke tsamaye ke je diphologolo tse di leswe.’ Lentswe leo le ne la re: ‘O se ka wa re diphologolo tseno di leswe. Modimo o di dirile phepa.’ Gape lentswe le ne la raya Petere le re: ‘Go na le banna ba bararo ba ba emeng mo kgorong. Tsamaya le bone.’ Petere o ne a bula kgoro mme a botsa banna bao gore ba batla eng. Ba ne ba mo raya ba re: ‘Re romilwe ke mookamedi wa masole a Roma e bong Korenelio. O kopile gore o tle kwa ntlong ya gagwe kwa Kaesarea.’ Petere o ne a ba kopa gore ba se ka ba tsamaya. Mo mosong wa letsatsi le le latelang, ene le bakaulengwe bangwe ba kwa Jopa ba ne ba tsamaya le banna bao go ya kwa Kaesarea.

Korenelio o ne a khubama fa a bona Petere. Petere o ne a mo raya a re: ‘Se dire jalo! Le nna ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena. Modimo o nthometse mo go wena le fa gone Bajuda ba sa tshwanela go tsena mo matlong a batho ba e seng Bajuda. Ke kopa o mpolelele gore o ne o tlhoka gore ke go direle eng.’

Korenelio o ne a raya Petere a re: ‘Malatsi a le manê a a fetileng fa ke ne ke rapela, moengele wa Modimo o ne a mpolelela gore ke romele banna ba ye go tla le wena. Tsweetswee re rute ka Jehofa.’ Petere o ne a re: ‘Jaanong ke a bona gore Modimo ga a tlhaole batho. O amogela mongwe le mongwe yo o batlang go mo obamela.’ Petere o ne a ba ruta dilo di le dintsi ka Jesu. Go tswa foo, Korenelio le ba lelapa la gagwe ba ne ba amogela moya o o boitshepo mme ba kolobediwa.

“Mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang [Modimo] a bo a dira se se siameng o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:35