Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 99

Modisa wa Kgolegelo e Nna Mokeresete

Modisa wa Kgolegelo e Nna Mokeresete

Kwa Filipi, go ne go na le mosetsana mongwe yo o neng a tsenwe ke ledimona. Batho ba mosetsana yoo a neng a ba berekela ba ne ba newa madi a mantsi fa ledimona le dira gore a bue dilo tse di tla diregang. Fa Paulo le Silase ba le kwa Filipi, go ne ga feta malatsi a le mantsi mosetsana yono a ba setse morago. Ledimona le ne le dira gore a goe a re: “Banna bano ke batlhanka ba Modimo Mogodimodimo.” Paulo o ne a raya ledimona leo a re: ‘Ke go laela ka leina la ga Jesu, tswa mo go ene!’ Ledimona le ne la tswa.

Batho ba mosetsana yono a neng a ba berekela ba ne ba galefa tota fa ba lemoga gore ba ka se tlhole ba dira madi. Ba ne ba isa Paulo le Silase kwa kgotlatshekelo ba re: ‘Banna bano ba tlola molao e bile ba tlhakatlhakanya motse!’ Paulo le Silase ba ne ba otlhaiwa le go tsenngwa mo kgolegelong. Ba ne ba tsenngwa mo lefelong le le lefifi ba bo ba bofelelwa ka dikgong.

Paulo le Silase ba ne ba opelela kwa godimo ba baka Jehofa. Mo gare ga bosigo, lefatshe le ne la roroma. Mme dikgoro tsa kgolegelo di ne tsa bulega le dikeetane tse magolegwa a neng a bofilwe ka tsone di ne tsa tswa. Motho yo o neng a disitse kgolegelo o ne a tabogela kwa lefelong le magolegwa a leng kwa go lone mme a fitlhela dikgoro di butswe. O ne a akanya gore magolegwa a tshabile, ka jalo, o ne a ntsha tšhaka a re o a ipolaya.

Paulo o ne a goa a re: ‘O se ka wa ipolaya! Ga go na ope yo o tshabileng!’ Monna yoo o ne a itatlhela fa pele ga Paulo le Silase. O ne a ba botsa a re: “Ke tshwanetse go dirang gore ke bolokwe?” Ba ne ba mo raya ba re: ‘Wena le ba lelapa la gago lo tshwanetse go dumela mo go Jesu.’ Go tswa foo, ba ne ba ruta lelapa lotlhe ka Jehofa mme botlhe ba kolobediwa.

“Batho ba tla lo tshwara ba bo ba lo bogisa, ba lo isa kwa disinagogeng le kwa dikgolegelong. Lo tla tlisiwa fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me. Go tla felela ka gore lo neye bosupi.”—Luke 21:12, 13