Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 100

Paulo le Timotheo

Paulo le Timotheo

Timotheo e ne e le mosha wa phuthego ya kwa Lisetera. Rraagwe e ne e le Mogerika mme mmaagwe e le Mojuda. Mmaagwe e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba mo ruta ka Jehofa go tloga ka nako ya fa a sa le monnye.

Lekgetlo la bobedi fa Paulo a etetse Lisetera go ya go rera dikgang tse di molemo, o ne a lemoga gore Timotheo o rata bakaulengwe ba gagwe thata e bile o rata go ba thusa. Paulo o ne a kopa Timotheo gore a tsamaye le ene. Fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a thusa Timotheo gore a itse go rera le go ruta batho dikgang tse di molemo.

Moya o o boitshepo o ne o kaela Paulo le Timotheo mo tirong ya bone. Bosigo bongwe, Paulo o ne a lora monna mongwe wa kwa Makedonia a mo kopa gore a ye go ba thusa. Ka jalo, Paulo, Timotheo, Silase le Luke ba ne ba ya go rera koo le go simolola diphuthego.

Batho ba le bantsi ba kwa toropong ya Thesalonika kwa Makedonia, ba ne ba nna Bakeresete. Mme Bajuda bangwe ba ne ba fufegela Paulo le ditsala tsa gagwe. Ba ne ba isa Paulo le ditsala tsa gagwe kwa dikgosing tsa motse ba goa ba re: ‘Banna bano ba kgatlhanong le puso ya Roma!’ Paulo le Timotheo ba ne ba siela kwa Berea bosigo ka gonne batho ba ne ba batla go ba bolaya.

Batho ba kwa Berea ba ne ba kgatlhegela go ithuta Baebele e bile Bagerika le Bajuda ba koo ba ne ba nna Bakeresete. Paulo o ne a tshaba kwa Athena fa Bajuda bangwe ba kwa Thesalonika ba ne ba mo bakela mathata. Mme Timotheo le Silase ba ne ba sala kwa Berea ba thusa bakaulengwe ba koo. Fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a kopa Timotheo gore a boele gape kwa Thesalonika go ya go thusa bakaulengwe ba ba neng ba bogisiwa. Mme moragonyana, o ne a mo kopa gore a etele diphuthego di le dintsi le go di kgothatsa.

Paulo o ne a raya Timotheo a re: ‘Batho ba ba batlang go direla Jehofa ba tla bogisiwa.’ Timotheo o ne a bogisiwa le go tsenngwa mo kgolegelong ka gonne o ne a direla Modimo. O ne a itumelela seo ka gonne e ne e le tshono ya go bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa.

Paulo o ne a raya bakaulengwe ba kwa Filipi a re: ‘Ke romela Timotheo kwa go lona. O tla lo ruta Dikwalo le go lo bontsha gore lo dire tiro ya go rera jang.’ Paulo o ne a tshepa Timotheo. E ne e le ditsala e bile ba ne ba feditse dingwaga di le dintsi ba direla Modimo mmogo.

“Ga ke na ope yo mongwe yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla lo tlhokomelang ka dilo tse lo tshwenyegang ka tsone. Gonne ba bangwe botlhe ba ipatlela melemo ya bone, e seng ya ga Jesu Keresete.”—Bafilipi 2:20, 21