Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Badumedi ka Rona ba ba Rategang:

E re ka re le batho ba ba obamelang Jehofa, re rata Lefoko la gagwe e leng Baebele. Re tlhatswegile pelo gore e ntsha bosupi jwa mmatota ka hisitori, kgakololo e e dirang gore re itumelele botshelo le bosupi jo bo amang pelo jwa gore Jehofa o rata batho. (Pesalema 119:105; Luke 1:3; 1 Johane 4:19) Ruri re batla go thusa batho go ithuta boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo mo Lefokong la Modimo. Ka jalo, re itumelela go golola buka eno ya setlhogo se se reng, Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng. A re lo tlotleleng go le gonnye ka yone.

Dikarolo tse dintsi tsa buka eno di kwaletswe bana. Le fa go ntse jalo, e ka thusa batho ba ba godileng ba ba batlang go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Mme e re ka Baebele e le buka ya batho botlhe, ga go pelaelo gore rotlhe re tla solegelwa molemo ke dithuto tsa yone tse di ka dirang gore re itumele.

Buka eno e dirisa dipego tsa Baebele go re bolelela ka tshimologo ya batho go tloga ka nako ya fa lefatshe le bopiwa. Go tshotswe matsapa a magolo thata go kwala dipolelo tsa Baebele ka tsela e e motlhofo, e e utlwalang sentle le go leka go dira gore di tlhomagane.

Le fa go ntse jalo, buka eno ga e re rute ka dipolelo tsa Baebele fela. Mafoko le ditshwantsho tsa yone di diretswe gore re bone gore dipolelo tseo di boammaaruri le go ikutlwa jaaka batho ba go buiwang ka bone.

Buka eno e re thusa go bona gore Baebele ke buka e e buang ka batho—ba ba neng ba reetsa Jehofa le ba ba neng ba sa mo reetse. Gape e re thusa gore re ithute mo bathong bao. (Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:6) Buka eno e kgaogantswe ka dikarolo di le 14. Karolo nngwe le nngwe e simolola ka matseno a se re ka ithutang sone.

Fa e le gore o motsadi, o ka bala thuto nngwe le ngwana wa gago lo bo lo tlotla ka ditshwantsho tse di tsamaisanang le yone. Go tswa foo, lo ka bala ditemana tsa Baebele tse di buang ka kgang eo. Thusa ngwana wa gago go bona gore se se mo Baebeleng se tsamaisana jang le se se mo bukeng eno. Mokgwa ono o ka thusa le motho yo o godileng yo o batlang go ithuta Baebele.

Re solofela gore buka eno e tla thusa batho botlhe go ithuta mo Lefokong la Modimo le go dirisa se ba se ithutang. Seo se tla dira gore ba obamele Modimo ba le karolo ya lelapa la gagwe le le rategang.

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa