Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 1

Matseno a Karolo 1

Pego ya Baebele e simolola ka go re bolelela ka nako ya fa Modimo a ne a bopa dilo tsotlhe tse dintle kwa legodimong le mo lefatsheng. Fa o na le bana, ba rute ka dilo tse di farologaneng tse dintle tse Modimo a di bopileng. Ba rute gore Modimo o re dirile gore re se ka ra tshwana le diphologolo, o dirile gore re kgone go bua, go akanya, go tlhama dilo, go opela le go rapela. Ba thuse go lemoga maatla le botlhale jo Jehofa a nang le jone segolobogolo lorato lo a ratang dilo tse a di bopileng ka lone, go akaretsa le rona batho.

MO KAROLONG ENO

THUTO 1

Modimo o Bopile Legodimo le Lefatshe

Baebele ya re Modimo o ne a bopa legodimo le lefatshe. Mme a o itse moengele yo Modimo a neng a mmopa pele a bopa dilo tse dingwe tsotlhe?

THUTO 2

Modimo o Bopile Monna wa Ntlha le Mosadi

Modimo o ne a bopa monna wa ntlha le mosadi mme a ba baya mo tshimong ya Edene. Ba ne ba tshwanetse go nna le bana le go dira lefatshe gore e nne paradaise.