Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 2

Matseno a Karolo 2

Goreng Jehofa a ile a senya lefatshe la nako eo ka morwalela? Kwa tshimologong, go ne ga tsoga ntwa magareng ga se se siameng le se se sa siamang. Batho ba ba jaaka Adame, Efa le morwaabone e bong Kaine ba ne ba tlhopha go dira se se sa siamang. Ba le mmalwa ba ba jaaka Abele le Noa ba ne ba tlhopha go dira se se siameng. Batho ba le bantsi ba ne ba dira dilo tse di sa siamang mo Jehofa a neng a ba senya. Karolo eno e tla re ruta gore Jehofa o bona dilo tse re di dirang e bile ga a kitla a letla bosula gore bo tswelele bo le gone.

MO KAROLONG ENO

THUTO 3

Adame le Efa ba Tlola Taelo ya Modimo

Setlhare sa mo tshimong ya Edene se ne se farologane jang le tse dingwe? Goreng Efa a ile a ja leungo la setlhare seo?

THUTO 4

A mo Galefela A bo A Mmolaya

Modimo o ne a amogela setlhabelo sa ga Abele e seng sa ga Kaine. Seo se ne sa galefisa Kaine mme a feleletsa a dirile selo se se sa siamang.

THUTO 5

Araka ya ga Noa

Fa baengele ba nyala basadi ba mo lefatsheng ba ne ba nna le bana ba ba kgerisang batho. Go ne go tletse thubakanyo. Noa ene o ne a rata Modimo e bile a mo reetsa.

THUTO 6

Batho ba le Robedi ba Tsena mo Lefatsheng le Lesha

Pula e nele malatsi a le 40 le masigo a le 40. Go ne ga feta ngwaga Noa le ba lelapa la gagwe ba le mo arakeng. Go tswa foo, Modimo o ne a ba raya a re ba tswe.