Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 3

Matseno a Karolo 3

Baebele e umaka maina a batho ba le mmalwa fela ba ba ileng ba direla Jehofa morago ga Morwalela. Mongwe wa bone e ne e le Aborahame yo o neng a bidiwa tsala ya ga Jehofa. Goreng a ne a bidiwa tsala ya ga Jehofa? Fa o na le ngwana, mo thuse go bona gore Jehofa o a mo rata le gore Jehofa o batla go mo thusa. Fela jaaka Aborahame le banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Lote le Jakobe, le rona re ka kopa Jehofa gore a re thuse. Re a itse gore Jehofa o tla dira sengwe le sengwe se a re solofeditseng sone.

MO KAROLONG ENO

THUTO 7

Tora ya Babele

Batho ba ne ba simolola go aga motse le kago e e fitlhang kwa legodimong. Goreng Modimo a ile a dira gore ba bue dipuo tse di farologaneng?

THUTO 8

Aborahame le Sara Ba ne Ba Ikobela Modimo

Goreng Aborahame le Sara ba ile ba tlogela ntlo ya bone mo Ure go ya go nna baeng kwa nageng ya Kanana?

THUTO 9

Ngwana wa Mosimane o a Tsholwa!

Modimo o ne a tla diragatsa jang se a se solofeditseng Aborahame? Ke morwa ofe wa ga Aborahame yo tsholofetso eno e neng e tla diragadiwa ka ene—Isake kgotsa Ishemaele?

THUTO 10

Gakologelwa Mosadi wa ga Lote

Modimo o ne a senya motse wa Sodoma le Gomora ka molelo le sulefera. Goreng metse eo e ile ya senngwa? Goreng re tshwanetse go gakologelwa mosadi wa ga Lote?

THUTO 11

Tumelo ya Gagwe e a Lekwa

Modimo o ne a raya Aborahame a re: ‘Ke kopa o tseye morwao o ye go mo ntsha setlhabelo kwa thabeng ya Moria.’ Aborahame o ne a tla lebana jang le teko eno?

THUTO 12

Jakobe O ne A Rua Boswa

Isake le Rebeka ba ne ba na le basimane ba mawelana. Esau ke ngwana wa ntlha mme e ne e le ene moruaboswa. Goreng a ne a rekisa tshwanelo eo ka dijo?

THUTO 13

Jakobe le Esau ba Dira Kagiso

Moengele o ne a segofatsa Jakobe jang? Jakobe o ne a dira eng go boa a utlwana gape le Esau?