Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 5

Matseno a Karolo 5

Baiseraele ba ne ba fitlha kwa Thabeng ya Sinai dikgwedi di le pedi morago ga gore ba kgabaganye Lewatle le Lehibidu. Fa ba le koo, Jehofa o ne a dira tumalano le bone gore e tla nna setšhaba sa gagwe se a se itlhophetseng. O ne a ba sireletsa le go ba naya sengwe le sengwe se ba se tlhokang, jaaka dijo, diaparo tse di sa senyegeng le lefelo le le sireletsegileng. Fa o na le bana, ba thuse go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a ne a naya Baiseraele Molao le tente ya kobamelo le go dira gore go nne le baperesiti. Ba bontshe gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go diragatsa se re se solofeditseng, go nna boikokobetso le go tshepa Jehofa ka metlha.

MO KAROLONG ENO

THUTO 23

Ba Dira Maikano

Fa Baiseraele ba le kwa Thabeng ya Sinai, ba ne ba dira maikano ba solofetsa Modimo gore ba tla mo ikobela.

THUTO 24

Ga ba A ka Ba Diragatsa Maikano a Bone

Fa Modimo a naya Moshe Melao e e Lesome, batho ba ne ba dira boleo jo bo masisi.

THUTO 25

Tente ya Kobamelo

Tente eno e e kgethegileng e ne e na le letlole la kgolagano.

THUTO 26

Ditlhola Tse di Lesome le Bobedi

Joshua le Kalebe ba ne ba farologane le ditlhola tse dingwe tse di lesome tse di neng di ile go tlhola lefatshe la Kanana.

THUTO 27

Ba ne Ba Gana go Reetsa Jehofa

Kora, Dathane, Abirame le batho ba le 250 ga ba a ka ba lemoga kgang ya botlhokwa e Jehofa a neng a leka go ba bontsha yone.

THUTO 28

Tonki ya ga Balaame e a Bua

Tonki e ne e bona mongwe yo Balaame a neng a sa mmone.