Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 7

Matseno a Karolo 7

Karolo eno e bua ka hisitori ya dingwaga di ka nna 80 ya botshelo jwa ga Kgosi Saulo le Kgosi Dafide. Saulo o simolotse e le motho yo o sa itseeleng kwa godimo mme fa nako e ntse e ya o ile a fetoga a bo a gana go reetsa Jehofa. Jehofa o ne a laela Samuele gore a ye go tlhopha Dafide gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele. Saulo o ne a fufegela Dafide, ka jalo, o ne a leka makgetlo a le mantsi go mmolaya mme Dafide ga a ka a leka go ipusolosetsa. Ngwana wa ga Saulo e bong Jonathane ga a ka a fufegela Dafide ka gonne a itse gore Jehofa o tlhophile Dafide go nna kgosi. Dafide o ile a dira maleo a a tlhabisang ditlhong mme ga a ka a gana go ikobela Jehofa. Fa e le gore o na le bana, ba thuse go bona botlhokwa jwa go ikobela dithulaganyo tsa Modimo.

MO KAROLONG ENO

THUTO 39

Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

Baatlhodi ba ne ba etelela pele mo Iseraele mme Baiseraele bone ba ne ba batla kgosi. Saulo o ne a nna kgosi ya ntlha mme Jehofa o ne a mo tseela bogosi. Goreng?

THUTO 40

Dafide le Goliathe

Jehofa o tlhopha Dafide go nna kgosi e e latelang ya Iseraele mme Dafide o bontsha gore o tshwanelega go nna kgosi.

THUTO 41

Dafide le Saulo

Ke eng fa Saulo a ne a tlhoile Dafide mme Dafide o ile a itshwara jang?

THUTO 42

Jonathane O ne A le Pelokgale e Bile a Ikanyega

Ngwana wa kgosi o nna tsala e kgolo ya ga Dafide.

THUTO 43

Kgosi Dafide o a Leofa

Tshwetso e e sa siamang e baka mathata a a seng kana ka sepe.