Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 8

Matseno a Karolo 8

Jehofa o ne a segofatsa Solomone ka go dira gore a nne botlhale a bo a mo naya tshiamelo ya go aga tempele, mme ka iketlo, Solomone o ne a tlogela Jehofa. Fa e le gore o na le bana, ba tlhalosetse gore batho ba ba sa dumeleng mo go Jehofa ba dirile jang gore Solomone a tlogele go obamela Jehofa. Bogosi bo ne jwa kgaoganngwa, mme dikgosi tse di sa siamang di ne tsa dira gore setšhaba se tlhanogele Jehofa le go obamela medimo ya maaka. Ka nako eo, baporofeti ba le bantsi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa le go bolawa. Kgosigadi Jesebele o ne a dira gore batho ba ba neng ba busiwa ke puso ya kwa bokone ba tlhanogele Modimo le go feta. Ka nako eo, go ne go le thata kwa Iseraele. Mme go ne go sa ntse go na le batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba tshepegang, go akaretsa Kgosi Jehoshafate le moporofeti Elija.

MO KAROLONG ENO

THUTO 44

Tempele ya ga Jehofa

Modimo o amogela kopo ya ga Solomone a bo a mo naya dilo tse dikgolo.

THUTO 45

Bogosi bo a Kgaogana

Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tlogela go direla Jehofa.

THUTO 46

Go Senola Modimo wa Boammaaruri

Modimo wa boammaaruri ke mang? A ke Jehofa kgotsa Baale?

THUTO 47

Jehofa O ne A Naya Elija Maatla

A o akanya gore le wena a ka go nonotsha?

THUTO 48

Morwa wa Motlholagadi o a Tshela

Dikgakgamatso tse pedi mo ntlong e le nngwe!

THUTO 49

Kgosigadi E e Sa Siamang e a Otlhaiwa

Jesebele o loga leano la go bolaya Nabothe gore a tseye masimo a gagwe a mofine! Jehofa o lemoga seo.

THUTO 50

Jehofa o Sireletsa Jehoshafate

Kgosi Jehoshafate yo o molemo o rapela Jehofa fa Juda e tlhaselwa ke baba.