Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 9

Matseno a Karolo 9

Kgaolo eno e bua ka basha, baporofeti le dikgosi. Batho bao ba ne ba bontsha gore ruri ba dumela mo go Jehofa. Kwa Siria, go ne go na le mosetsana mongwe wa Moiseraele yo o neng a bontsha gore o dumela gore moporofeti wa ga Jehofa a ka fodisa Naamane. Moporofeti Elisha o ne a dumela ka pelo yotlhe gore Jehofa o tla mo sireletsa mo lesoleng le le neng le lwa le ene. Moperesiti yo Mogolo e bong Jehoiada o ne a itsenya mo kotsing ka go sireletsa Jehoashe yo mmotlana mo go nkokoagwe yo o sa siamang e bong Athalia. Kgosi Hesekia o ne a dumela gore Jehofa o tla sireletsa Jerusalema mme ga a ka a letla Baasiria ba mo tshosa. Kgosi Josia o ne a fedisa kobamelo ya medingwana, a aga tempele sesha a bo a dira gore setšhaba se obamele Jehofa gape.

MO KAROLONG ENO

THUTO 51

Lesole le Mosetsana yo Monnye

Mosetsana wa Moiseraele o bolelela mosadi wa mong wa gagwe gore Jehofa o na le maatla a magolo mme seo se dira gore Jehofa a dire dikgakgamatso.

THUTO 52

Masole a ga Jehofa a a Tukang Molelo

Kafa motlhanka wa ga Elisha a lemogang ka gone gore ba feta baba ba bone ka palo.

THUTO 53

Jehoiada yo o Pelokgale

Moperesiti yo o ikanyegang o nna kgatlhanong le kgosigadi e e sa siamang.

THUTO 54

Jehofa Ga a Ka a Tlhoboga Jona

Go tlile jang gore moporofeti mongwe wa Modimo a komediwe ke tlhapi e kgolo? O ne a tswa jang? Mme Jehofa o ne a mo ruta eng?

THUTO 55

Moengele wa ga Jehofa O ne A Sireletsa Hesekia

Baba ba Bajuda ba re Jehofa ga a kitla a sireletsa batho ba gagwe mme ba fositse!

THUTO 56

Josia O ne A Rata Molao wa Modimo

Josia o nna kgosi fa a le dingwaga di le robedi e bile o thusa batho go obamela Jehofa.