Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 12

Matseno a Karolo 12

Jesu o ne a ruta batho ka Bogosi jwa kwa legodimong. Gape o ne a ba ruta gore ba rapelele gore leina la Modimo le itshepisiwe, gore Bogosi jwa gagwe bo tle le gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng. Fa e le gore o motsadi, tlhalosetsa ngwana wa gago bokao jwa thapelo eno. Satane o ne a palelwa ke go raela Jesu. Jesu o ne a tlhopha baaposetoloi ba gagwe mme e ne ya nna bone ba ntlha go nna karolo ya Bogosi joo. Tlhalosa tsela e Jesu a neng a rata kobamelo ya boammaaruri ka yone. Jesu o ne a fodisa batho, a ba fa dijo le go tsosa ba ba suleng ka gonne a ne a batla go ba thusa. Dikgakgamatso tse a neng a di dira di re bontsha se Bogosi bo tlileng go se direla batho.

MO KAROLONG ENO

THUTO 74

Jesu o Nna Mesia

Johane o raya jang fa a re Jesu ke Kwana ya Modimo?

THUTO 75

Diabolo o Raela Jesu

Diabolo o raela Jesu makgetlo a le mararo. O mo raela jang? Jesu o dira eng?

THUTO 76

Jesu o Phepafatsa Tempele

Goreng Jesu a leleka diphologolo mo tempeleng a bo a pitikolola ditafole tsa barekisi?

THUTO 77

Mosadi Kwa Sedibeng

Goreng fa mosadi wa Mosamarea yo o neng a le kwa Sedibeng a ne a gakgamala fa Jesu a bua le ene? Jesu o ne a mmolelela eng se a neng a ise a se bolelele ope?

THUTO 78

Jesu o Rera ka Bogosi

Jesu o laletsa bangwe ba barutwa ba gagwe gore e nne ‘batshwari ba batho.’ Moragonyana, o ruta balatedi ba gagwe ba le 70 go rera ka dikgang tse di molemo.

THUTO 79

Jesu o Dira Dikgakgamatso Tse Dintsi

Gongwe le gongwe kwa a yang teng, batho ba ba lwalang ba kopa gore a ba fodise mme o dira jalo. Gape o tsosa mosetsanyana yo o tlhokafetseng.

THUTO 80

Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba le 12

Goreng a ba tlhopha? A o gopola maina a bone?

THUTO 81

Jesu o Ruta Kwa Thabeng

Jesu o ruta batho dithuto tsa botlhokwa.

THUTO 82

Jesu o Ruta Balatedi ba Gagwe go Rapela

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go nna ba kopa eng?

THUTO 83

Jesu o Naya Batho ba Bantsi Dijo

Kgakgamatso eno e bontsha eng ka Jehofa le Jesu?

THUTO 84

Jesu o Tsamaya mo Metsing

O akanya gore baaposetoloi ba ile ba ikutlwa jang fa ba bona kgakgamatso eo?

THUTO 85

Jesu o Fodisa Batho ka Sabata

Goreng batho ba ne ba sa itumelele se a neng a se dira?

THUTO 86

Jesu o Tsosa Lasaro

Jesu o a lela fa a bona Marea a lela. Go tswa foo, ba a itumela.