Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 14

Matseno a Karolo 14

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi kwa mafelong a a kgakala. Jesu o ne a ba bolelela gore ba rere kae a bo a ba thusa gore ba kgone go rerela batho ka dipuo tsa bone. Jehofa o ne a dira gore ba nne pelokgale le gore ba kgone go itshoka fa ba bogisiwa.

Jesu o ne a dira gore moaposetoloi Johane a bone Jehofa a le mo kgalalelong ya gagwe. Gape Johane o ne a bona Bogosi jo bo kwa legodimong bo fenya bogosi jwa ga Satane le botlhe ba ba mo tshegetsang. Johane o ne a bona Jesu le ba ba 144 000 ba busa e le dikgosi. Gape o ne a bona lefatshe le fetolwa paradaise e mo go yone batho botlhe ba obamelang Jehofa ka kagiso e bile ba utlwana.

MO KAROLONG ENO

THUTO 94

Barutwa ba Newa Moya o o Boitshepo

Moya o o boitshepo o ba naya maatla a go dira eng se se gakgamatsang?

THUTO 95

Ga ba A ka Ba Tlogela go Rera

Baeteledipele ba bodumedi ba ba bolaileng Jesu ba leka go dira gore barutwa ba tlogele go rera mme ba a palelwa.

THUTO 96

Jesu o Tlhopha Saulo

Saulo o bogisa Bakeresete, mme seo se tloga se fetoga.

THUTO 97

Korenelio o Newa Moya o o Boitshepo

Goreng Modimo a romela Petere kwa monneng yono yo e seng Mojuda?

THUTO 98

Batho ba Ditšhaba Tse Dintsi e Nna Bakeresete

Moaposetoloi Paulo le ditsala tsa gagwe ba simolola tiro ya go rera kwa mafelong a a kgakala.

THUTO 99

Modisa wa Kgolegelo e Nna Mokeresete

Ledimona, thoromo ya lefatshe le tšhaka di amana jang mo kgannyeng eno?

THUTO 100

Paulo le Timotheo

Banna ba babedi ba dira mmogo e le ditsala le batlhanka ba Modimo ka dingwagangwaga.

THUTO 101

Paulo o Romelwa Kwa Roma

Loeto loo lo tletse mathata mme mathata ao ga a dire gore Paulo a tlogele tiro ya gagwe.

THUTO 102

Tshenolo e e Yang Kwa go Johane

Jesu o mmontsha dilo di le dintsi tse di tla diregang mo nakong e e tlang.

THUTO 103

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

Tshenolo e e yang kwa go Johane e bontsha kafa Bogosi Jwa Modimo bo tla fetolang botshelo ka gone mo lefatsheng.