Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 18

Re Lebogela Thekololo

Re Lebogela Thekololo

(Luke 22:20)

  1. 1. Jehofa Modimo

    re a go leboga,

    Ka ntlha ya lorato lwa

    gago lo logolo.

    O re file Morwao

    gore re tshele.

    Ga go na setlhabelo

    se se gaisang seno.

    (KHORASE)

    O ne a tla go re swela.

    Gore re tle re gololwe.

    Re tla nna

    re go leboga ka dipelo tsotlhe.

  2. 2. Jesu o re swetse

    gonne a re rata.

    O re rekolotse

    ka botshelo jwa gagwe.

    Re kile ra bo re se na

    tsholofelo.

    Jaanong re na le tsholofelo

    ya botshelo.

    (KHORASE)

    O ne a tla go re swela.

    Gore re tle re gololwe.

    Re tla nna

    re go leboga ka dipelo tsotlhe.