Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 21

Nnang lo Batle Bogosi Pele

Nnang lo Batle Bogosi Pele

(Mathaio 6:33)

  1. 1. Ruri Jah o’itumelela,

    Puso ya ga Kresete,

    Gonne o tla e dirisa

    Go baakanya lefatshe.

    (KHORASE)

    Lo batleng Bogosi pele

    Le tshiamo ya ga Jah.

    Lo mmakeng ditšhabeng tsotlhe,

    Mo direleng ka metlha.

  2. 2. Ke eng fa lo tshwenyegile

    Ka letsatsi le le tlang?

    Fa re batla ’Gosi pele

    Jah o tla re tlamela.

    (KHORASE)

    Lo batleng Bogosi pele

    Le tshiamo ya ga Jah.

    Lo mmakeng ditšhabeng tsotlhe,

    Mo direleng ka metlha.

  3. 3. Jalo rerang ka Bogosi;

    Thusang ba ba siameng

    Gore ba’ikanye Jehofa

    Ba nne le tsholofelo.

    (KHORASE)

    Lo batleng Bogosi pele

    Le tshiamo ya ga Jah.

    Lo mmakeng ditšhabeng tsotlhe,

    Mo direleng ka metlha.