Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 24

Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

(Isaia 2:2-4)

  1. 1. Lebang, mme lo bone,

    Thaba ya ga Jehofa.

    Ruri e tsholeditswe

    Mo motlheng wa rona.

    Batho ba tswa gotlhe,

    ’Khutlong tse nnê tsa ’fatshe

    Ba ntse ba goa ba re,

    ‘Tlang lo direle Jah.’

    Nako e fitlhile

    Gore ’tšhaba seno se gole.

    Fa re ntse re gola,

    Jah o ntse a re segofatsa.

    Batho ba tla go Jah,

    Ba rata puso ya ’gwe.

    Ba tla mo direla,

    Ba nne ba ikanyega.

  2. 2. Jesu o ne a re:

    ‘Tsamayang, rerang ’foko.’

    ’Kgang tseno tsa Bogosi

    Di rerelwa botlhe.

    Kresete o’a busa

    A re re mo lateleng.

    Botlhe ba ba bonolo

    Ba ikobela Jah.

    Ruri re’a ipela

    Fa boidiidi jono bo gola.

    Re na le seabe,

    Sa go itsise batho botlhe.

    A re rereng gotlhe,

    Gore botlhe ba utlwe

    ‘Tlang mo thabeng ya ga Jah,

    E e nnetseng ruri.’