PINA 30
Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me
-
1. Botshelo bo boima.
Bo tletse mahutsana fela.
Mme ka metlha ke tla re,
‘Nna ke’ikanya Mmopi.’
(KHORASE)
Jah ga a tshiamololo
ga a lebale ’tiro tsa me.
Ka metlha o na le nna;
Ga a kitla a ntlogela.
Ke motlamedi wa me
yo’o ntshireletsang nako tsotlhe.
Jah Modimo, ke Rre wa me,
Tsala ya me.
-
2. Ke setse ke tsofetse;
Mathata a me a atile.
Mme tumelo e nthusa
Go ikanya Mmopi
(KHORASE)
Jah ga a tshiamololo
ga a lebale ’tiro tsa me.
Ka metlha o na le nna;
Ga a kitla a ntlogela.
Ke motlamedi wa me
yo’o ntshireletsang nako tsotlhe.
Jah Modimo, ke Rre wa me,
Tsala ya me.
(Bona le Pes. 71:17, 18.)