PINA 34
Go Tsamaya ka Bothokgami
-
1. Ntlhatlhobe tlhe wena Modimo’a me
Gore a ka metlha ke nna ke thokgame.
Nkele tlhoko o nne o ntekole;
Ntlafatsa pelo’a me mme o ntshegofatse.
(KHORASE)
Fa e le nna, Ke’ikemiseditse
Go nna ke thokgame ka dinako tsotlhe.
-
2. Ga ke rate batho ba ba tsietsang.
Ke tlhoile go dula le ba ba go nyatsang.
Fa’o fedisa badirabosula,
A ko’o mpoloke tlhe Modimo Jehofa.
(KHORASE)
Fa e le nna, Ke’ikemiseditse
Go nna ke thokgame ka dinako tsotlhe.
-
3. Ke rata go nna mo ntlong ya gago.
Go tla kobamelong e e itshekileng.
Ke tla go baka ka metlha yotlhe,
Leina la gago, ke le’itsise botlhe.
(KHORASE)
Fa e le nna, Ke’ikemiseditse
Go nna ke thokgame ka dinako tsotlhe.
(Bona le Pes. 25:2.)