Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 38

O Tla go Nonotsha

O Tla go Nonotsha

(1 Petere 5:10)

  1. 1. Go na le lebaka la go bo Jehofa

    A go gogetse mo ’seding la ’gwe.

    O bone pelo e e mo ratang thata,

    E e batlang go mo’itumedisa.

    O’ikanne go dira thato ya ’gwe;

    O tla nna a go thusa ka metlha.

    (KHORASE)

    Jah o ne a go reka

    ka madi a Kwana.

    O tla nna’a go thusa,

    a go fe le maatla.

    O tla go sireletsa

    le go go kaela.

    Jah o tla go thusa,

    a go fe le maatla.

  2. 2. Jah o ntshitse Jesu go go rekolola;

    A go bontsha gore wa go rata.

    Fa a kgonne go ntsha Morwa wa botlhokwa,

    Ruri o tla go naya nonofo.

    Ga a lebale ’tiro tsa gago;

    O tla go tlhokomela ka metlha.

    (KHORASE)

    Jah o ne a go reka

    ka madi a Kwana.

    O tla nna’a go thusa,

    a go fe le maatla.

    O tla go sireletsa

    le go go kaela.

    Jah o tla go thusa,

    a go fe le maatla.