PINA 40
Mong wa Rona ke Mang?
-
1. Mong wa gago ke mang?
Ke mang yo o mo utlwang?
Ke ene yo o mo’ikobelang.
Ene yo o mo direlang.
O ka se direle
Medimo e mebedi,
O tlhoka go tlhopha a le mongwe
Mme o direle ene.
-
2. Mong wa gago ke mang?
Ke mang yo o mo utlwang?
Go na le Modimo wa nnete,
Yo mongwe ga se wa nnete.
A o tla ineela
Mo babusing ba ’fatshe?
Kgotsa o tla ikobela Mmopi
O dire thato ya ’gwe?
-
3. Mong wa me nna ke mang?
Tota ke direla mang?
Ke tla ikobela Jehofa!
Ke ene Modimo wa me.
O ne a nkgolola;
Ka tlhwatlhwa e boitshegang.
Ka jalo ke tla tshelela ene;
Ke tla mmaka ka metlha.
(Bona le Josh. 24:15; Pes. 116:14, 18; 2 Tim. 2:19.)