Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 55

Se ba Boifeng!

Se ba Boifeng!

(Mathaio 10:28)

  1. 1. Tswelang pele batho ba me,

    Lo rera ka Bogosi.

    Lo se ka lwa ba boifa.

    Itsiseng batho botlhe

    Gore Kreste, Morwa wa me,

    O digile Satane,

    O tloga a mo golega

    Gore go nne kagiso.

    (KHORASE)

    Se ba boifeng, batho ba me,

    Le fa ba lo tshosetsa.

    Lo thaka ya leitlho la me,

    Ke tla lo sireletsa.

  2. 2. Le fa baba ba le bantsi

    Ba leka go lo tshosa,

    Gongwe ba lo bogisa

    Gore lo tle lo’ineele.

    Lona batlhabani ba me,

    Lo se ka lwa ba tshaba,

    Gonne ke tla lo boloka

    Go fitlha ntwa e fela.

    (KHORASE)

    Se ba boifeng, batho ba me,

    Le fa ba lo tshosetsa.

    Lo thaka ya leitlho la me,

    Ke tla lo sireletsa.

  3. 3. Lo se ka lwa boifa sepe;

    Lo re ke lo latlhile.

    Gonne le fa lo ka swa,

    Ruri ke tla lo tsosa.

    Ga lo tlhoke go ba boifa

    Gonne ga ba na maatla.

    Tswelelang lo ikanyega;

    Mme ke tla lo falotsa!

    (KHORASE)

    Se ba boifeng, batho ba me,

    Le fa ba lo tshosetsa.

    Lo thaka ya leitlho la me,

    Ke tla lo sireletsa.