Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 59

Bakang Jah le Nna

Bakang Jah le Nna

(Pesalema 146:2)

  1. 1. Bakang Mmopi;

    Ka dipina!

    Ka gonne o re file botshelo.

    A re mmakeng,

    Nako tsotlhe.

    O lorato gape o mogolo.

    Re tla baka leina la gagwe.

  2. 2. Bakang Mmopi;

    Motlamedi.

    Wa re utlwa fa re mo rapela.

    O nonotsha

    Ba bokoa;

    O thusa botlhe ba ba boikobo.

    Re tla mmaka gonne a le maatla.

  3. 3. Bakang Mmopi;

    O tshiamo.

    Ka metlha o re naya kgomotso.

    O tla tlosa

    Matshwenyego.

    Mme a tlisetse batho masego.

    A re mmakeng ka boitumelo!