Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 61

Tswelelang, Lona Basupi!

Tswelelang, Lona Basupi!

(Luke 16:16)

  1. 1. Ba tlhagafetse motlheng wa bofelo,

    Batlhanka ba Jah ba rera ka Bogosi.

    Satane o ntse a ba lwantsha,

    Mme ba lwa le ene ka thuso ya Jah.

    (KHORASE)

    Basupi lo tsweleleng lo tlhagafetse!

    Dirang tiro ya Modimo lo’itumetse!

    Rutang botlhe ka Bogosi Jwa Modimo

    Le gore bo tla tlisa masego.

  2. 2. Batlhanka ba Jah ga ba itshelele;

    Ga re’ipedise babusi ba lefatshe.

    Re tila go nna le selabe.

    Re direla Jehofa re thokgame.

    (KHORASE)

    Basupi lo tsweleleng lo tlhagafetse!

    Dirang tiro ya Modimo lo’itumetse!

    Rutang botlhe ka Bogosi Jwa Modimo

    Le gore bo tla tlisa masego.

  3. 3. Bogosi jwa Modimo bo a sotlwa;

    Leina la gagwe le senngwa ka metlha.

    A re lekeng go le’itshepisa,

    Re bueng ka lone ditšhabeng tsotlhe.

    (KHORASE)

    Basupi lo tsweleleng lo tlhagafetse!

    Dirang tiro ya Modimo lo’itumetse!

    Rutang botlhe ka Bogosi Jwa Modimo

    Le gore bo tla tlisa masego.