Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 64

Go Ipelela go Nna le Seabe mo Thobong

Go Ipelela go Nna le Seabe mo Thobong

(Mathaio 13:1-23)

  1. 1. Re tshela mo nakong ya thobo,

    Ruri seo ke tshiamelo!

    Masimo a tlhoka go rojwa,

    Re batla go nna le seabe.

    Jesu o tlhomile sekao,

    O re etelela pele,

    Re motlotlo ka tshiamelo eno.

    Re rera ka boipelo.

  2. 2. Go rata Modimo le batho,

    Go re tlhotlheletsa thata.

    Tiro eno e potlakile,

    Bokhutlo bo tloga bo tla.

    Re ipelela tiro eno,

    Ke mpho e e tswang kwa go Jah.

    Re tla itshoka go ya bokhutlong

    Mme re dire le Jehofa.