Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 67

“Rera Lefoko”

“Rera Lefoko”

(2 Timotheo 4:2)

  1. 1. Jehofa o re laetse

    Go rerela batho molaetsa.

    A re direng jalo ka metlha

    Re diragatse thomo ya rona.

    (KHORASE)

    Jalo rerang,

    Gore botlhe ba utlwe!

    Bolelang,

    Gore ’khutlo bo etla.

    Rerelang,

    Botlhe ba ba pelontle.

    Bolelang,

    ’Fatsheng lotlhe!

  2. 2. Re tla tlelwa ke mathata

    Gape re tla nna re bogisiwa.

    Le fa re thibelwa go rera,

    Re ikanya Modimo wa rona.

    (KHORASE)

    Jalo rerang,

    Gore botlhe ba utlwe!

    Bolelang,

    Gore ’khutlo bo etla.

    Rerelang,

    Botlhe ba ba pelontle.

    Bolelang,

    ’Fatsheng lotlhe!

  3. 3. Re tla nna le boitumelo,

    Fa re ruta ba bangwe Lefoko.

    Re ba bontsha tsela’a poloko

    Gore ba galaletse Modimo.

    (KHORASE)

    Jalo rerang,

    Gore botlhe ba utlwe!

    Bolelang,

    Gore ’khutlo bo etla.

    Rerelang,

    Botlhe ba ba pelontle.

    Bolelang,

    ’Fatsheng lotlhe!