Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 71

Re Masole a ga Jehofa!

Re Masole a ga Jehofa!

(Joele 2:7)

  1. 1. Re masole a ga Jah,

    Re na le Kreste.

    Le fa gone Satane

    A nna’a re ganetsa

    Re direla Jehofa,

    Ka boikanyegi.

    Re le pelokgale

    Re sa boife.

    (KHORASE)

    Re masole a ga Jah;

    Re na le Kreste,

    Re itsise batho:

    “Jah o a busa.”

  2. 2. Re batlhanka ba ga Jah,

    Re mo letsholong.

    Re batla dinku tsa ’gwe,

    Tse di latlhegileng.

    Re leka go di thusa,

    Le go di fepa.

    Re a di laletsa

    Kwa dipokanong.

    (KHORASE)

    Re masole a ga Jah;

    Re na le Kreste,

    Re itsise batho:

    “Jah o a busa.”

  3. 3. Re masole a ga Jah,

    Re na le Kreste.

    Re nna re ipaakantse,

    Re nna re tlhometse.

    A re nneng kelotlhoko,

    Mme re nitame.

    Fa re bogisiwa,

    Re tla’ikanyega.

    (KHORASE)

    Re masole a ga Jah;

    Re na le Kreste,

    Re itsise batho:

    “Jah o a busa.”