Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 75

“Ke Fano! Roma Nna!”

“Ke Fano! Roma Nna!”

(Isaia 6:8)

  1. 1. Batho ba kgoba Jehofa,

    Leina la ’gwe ba’a le sotla.

    Bangwe ba re o setlhogo.

    Dimatla tsa re Jah ga’a yo.

    Ke mang yo’o tla ithaopang,

    Go ruta nnete ka Mmopi?

    (KHORASE 1)

    ‘Morena ke fano nthome!

    Ke tla ba ruta ka wena.

    Ruri seno ke tshiamelo.

    Ke fano roma nna Jah.’

  2. 2. Bangwe ba re Jah o bonya;

    Ga ba boife Jehofa.

    Ba obamela ditshwantsho;

    Ba obamela babusi.

    Ke mang yo’o tla ba tlhagisang

    Ka ntwa’a Haramagedona?

    (KHORASE 2)

    ‘Morena ke fano nthome!

    Ke tla ya go ba tlhagisa.

    Ruri seno ke tshiamelo.

    Ke fano roma nna Jah.’

  3. 3. Ba ba bonolo ba’a lela

    Gonne go tletse bosula.

    Ba nna ba batla kgololo

    Mo mathateng a lefatshe.

    Ke mang yo’o tla ba gomotsang?

    Le go ba ruta tshiamo?

    (KHORASE 3)

    ‘Morena ke fano nthome!

    Ke tla ya go ba gomotsa.

    Ruri seno ke tshiamelo.

    Ke fano roma nna Jah.’