Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 78

‘Go Ruta Lefoko la Modimo’

‘Go Ruta Lefoko la Modimo’

(Ditiro 18:11)

  1. 1. Go ruta Lefoko la Jah

    Go a ipedisa,

    Go re tlisetsa masego,

    Go tswa go Jehofa.

    Re etsa Jesu Kresete

    Ka go ruta batho.

    Fa re ba ruta re ba thusa

    Go itse Modimo.

  2. 2. Fa re ntse re ruta batho,

    Re leka ka natla,

    Go dira se se siameng

    Gore Jah a bakwe.

    Re bala Lefoko la ’gwe

    Ka dinako tsotlhe.

    Gore re rerele ba bangwe,

    Le rona re’ithute.

  3. 3. Jehofa o’a re thapisa,

    Mo tirong ya gagwe.

    Fa re rapelela thuso,

    O tla re araba.

    Re rata Lefoko la Jah;

    Ka le boammaaruri.

    Fa re rata ba re ba rutang,

    Ba tla nna bareri.