Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 82

“A Lesedi la Lona le Phatsime”

“A Lesedi la Lona le Phatsime”

(Mathaio 5:16)

  1. 1. Jesu o ne a re,

    Re bontshe ’sedi,

    Re le bontshe botlhe,

    Re sa tlhaole.

    Ka go ba rerela

    Lefoko la Jah.

    A re bontsheng lesedi,

    Re rute botlhe.

  2. 2. A re’itsiseng botlhe

    Ka ga Bogosi;

    Re phatsimisetse

    Batho lesedi.

    Fa re ntse re rera,

    Re kaelwa ke Jah.

    A re rereleng botlhe;

    Ba tla’itlhophela.

  3. 3. A re phatsimiseng

    Lesedi leno,

    Ka ’tiro tsa rona

    Le ka molaetsa.

    Fa re dira tshiamo

    Le tla phatsima,

    Mme ditiro tsa rona

    Di tla kgatlha Jah.