Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 87

Tlang! Lo Lapolosiwe

Tlang! Lo Lapolosiwe

(Bahebera 10:24, 25)

  1. 1. Lefatshe la rona le mo lefifing;

    Batho ga ba’itse Modimo.

    Re tlhoka go kaelwa ke Jah ka metlha;

    Gore re tle re atlege.

    Dipokano di a re lapolosa;

    Di re nonotsha tumelo.

    Di re kgothatsa go dira molemo,

    Mme re nna le tsholofelo.

    Re tla nna mo dipokanong ka metlha;

    Re dira thato ya ga Jah.

    Dipokano di re ruta tshiamo;

    Di tsosa ’rato lwa rona.

  2. 2. Jehofa o itse se re se tlhokang;

    Re tshwanetse go mo reetsa.

    Fa re nna teng mo dipokanong tsotlhe,

    Re bontsha go mo ikanya.

    Jehofa o re tlhometse badisa,

    Gore ba re bontshe tsela.

    Ka thuso ya bakaulengwe ba rona,

    Re kgona go nna le maatla.

    Fa re ntse re letile Paradaise,

    Re tla nna re kgothatsana.

    A re se leseng go phuthega mmogo

    Kwa dipokanong tsa rona.