Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 90

A re Kgothatsaneng

A re Kgothatsaneng

(Bahebera 10:24, 25)

  1. 1. Fa re leka go kgothatsana

    Go direla Jah ka metlha,

    ’Rato lwa rona lo’a nonofa;

    Gape re nna le kagiso.

    Batho ba ga Jah ba’a re rata

    Mme seo se a re kgothatsa.

    Dipokano ke botshabelo,

    Mme di a re sireletsa.

  2. 2. A bo go lapolosa jang ne!

    Go’utlwa mafoko’a kgothatso

    Mo ditsaleng tse di re ratang;

    Go re tlisetsa kgomotso.

    Go molemo go dirisana

    Le bakaulengwe ba rona.

    Re batla go nna re kgothatsa

    Ba bangwe le go ba thusa.

  3. 3. Fa re ntse re bona letsatsi

    La ga Jah le atamela,

    Ruri re tlhoka dipokano

    Go re nonotsha tumelo.

    Re direng mmogo ka kutlwano,

    Fa re direla Jehofa.

    Fa re kgothatsana ka metlha

    Re tla nna re ikanyega.