Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 94

Go Lebogela Lefoko la Modimo

Go Lebogela Lefoko la Modimo

(Bafilipi 2:16)

  1. 1. Jehofa Modimo, re’a go leboga

    Ka go bo o re neile ’Foko la ’go!

    Le le tlhotlheleditsweng

    mme le re golotse.

    La re bontsha tsela; ra bona nnete.

  2. 2. Lefoko la gago ruri le maatla.

    Le senola dikakanyo tsa rona.

    Melao ya ’go e siame,

    e itekanetse.

    Re kaelwa ke yone ka metlha yotlhe.

  3. 3. Lefoko la gago le’a re kgothatsa,

    Fa re bala ka batlhanka ba gago.

    Mme re thuse go etsa

    tumelo ya bone.

    Jah re’a go leboga, o re file mpho!