Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 95

Lesedi le Phatsimela Pele

Lesedi le Phatsimela Pele

(Diane 4:18)

  1. 1. Baprofeti ba ne ba bolelelwa,

    Gore Jesu Mesia o’a tla.

    Mme ba ne ba senolelwa ka moya,

    Gore o tla go re golola.

    Jaanong ke nako, Jesu o a busa,

    Re bona bosupi jwa seo.

    Re lebogela go’itse dikgang tseno;

    Ruri seno ke tshiamelo!

    (KHORASE)

    ’Sedi le ntse le a phatsima;

    Re tsamaya mo go lone.

    Jah o senotse dilo tsotlhe;

    O re kaela tsela ya ’gwe.

  2. 2. Morena o re tlhometse motlhanka,

    Yo o re fang dijo ka nako.

    ’Sedi la boammaaruri le’a phatsima,

    Le re naya le tsholofelo.

    A re tsweleleng re le mo go lone,

    Ke yone tsela ya nnete.

    Re leboga Jah, Motswedi wa ’sedi,

    O re gogetse kwa go ene.

    (KHORASE)

    ’Sedi le ntse le a phatsima;

    Re tsamaya mo go lone.

    Jah o senotse dilo tsotlhe;

    O re kaela tsela ya ’gwe.