Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 96

Buka ya Modimo—Letlotlo

Buka ya Modimo—Letlotlo

(Diane 2:1)

  1. 1. Go na le buka e’o tsebe tsa yone,

    Di leretseng batho tsholofelo.

    Mafoko’a yone a fetola batho;

    Ba sokologela mo Modimong.

    Buka eo e’e kgatlhang ke Baebele.

    E ne ya kwalwa ka tlhotlheletso,

    Ke banna ba ba ratang Jah Modimo,

    Mme ba thuswa ke moya wa gagwe.

  2. 2. Ba kwadile ka popo ya Modimo,

    Gore o bopile lobopo jang.

    Le gore motho o ne a sa leofe,

    Go fitlha Satane’a mo raela.

    Satane’a gwetlha puso ya Modimo

    Seo sa tlisetsa batho mathata.

    Ba simolola go lwala le go swa,

    Mme Jehofa o tla ba golola.

  3. 3. Dinako tseno ke tsa go ipela.

    Bogosi jwa Modimo bo’a busa.

    Re rerela batho ka Bogosi joo

    Le gore bo tla tlisa masego.

    ’Kgang tseno di kwadilwe mo Baebeleng;

    E leng buka ya ’gwe e’e boitshepo.

    E naya batho botlhe tsholofelo;

    A re baleng ’Foko la Modimo.