Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 100

Amogelang Baeng

Amogelang Baeng

(Ditiro 17:7)

  1. 1. Jehofa Modimo o tshola baeng.

    O direla botlhe tse di molemo.

    O re naya pula

    le tlhabo’a letsatsi;

    O re naya dijo, boipelo.

    Fa re tlhokomela bahumanegi,

    Re etsa Modimo yo o lorato.

    O’a re segofatsa,

    fa fela re bontsha

    Batho botlhe bopelonomi.

  2. 2. Re tla bo re dira se se molemo,

    Fa re nna re thusa batho ba bangwe.

    Le fa re sa ba’itse

    re ba amogeleng,

    Re ba tlhokomeleng ka ’rato.

    Re ba laletse mo matlong a rona.

    Re etse Lidia re ba’amogeleng.

    Jehofa o bona

    mo lefatsheng lotlhe,

    Batho ba ba lekang go mo’etsa.