Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 101

Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

(Baefeso 4:3)

  1. 1. Jehofa o re phuthile,

    Re mo phuthegong ya gagwe.

    Re tshela ka boitumelo,

    Go rena kagiso.

    Re rata kutlwano;

    Ke ya botlhokwa.

    Jah o re abetse tiro.

    O re kaela ka Morwawe.

    Re tla mo direla rotlhe,

    Re le seoposengwe.

  2. 2. Fa re tshela ka kutlwano,

    Mme re dirisana sentle,

    Re tla kgona go ratana,

    Mme re tla ipela.

    Re batla kagiso,

    E’a lapolosa.

    Fa re bontshana lorato,

    Jah o tla re fa kagiso.

    Re tla dirisana mmogo,

    Re nna ka kutlwano.