Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 111

Mabaka a Rona a go Ipela

Mabaka a Rona a go Ipela

(Mathaio 5:12)

  1. 1. Re na le mabaka’a go’ipela,

    A tshwana le khumo’e kgolo.

    Phuthegong tsa rona go tletse

    Batho ba merafe yotlhe.

    Boipelo jwa rona bo theilwe,

    Mo Lefokong la Modimo.

    Re rutwa ke lone ka metlha,

    Le re nonotsha tumelo.

    Fa re tlhagelwa ke mathata

    Le fa re le mo ditekong

    Jehofa o tla re tshegetsa

    Le go re fa boitshoko.

    (KHORASE)

    Boipelo jwa rona ke Jah,

    Le popo yotlhe ya gagwe.

    Dikakanyo le ditiro tsa ’gwe,

    Di molemo mme di maatla!

  2. 2. Re’ipelela popo ya gagwe,

    ’Tiro ya diatla tsa gagwe

    Fa re ntse re lebile popo,

    Re bona maatla a gagwe

    Re naya bosupi ka ene,

    Le go rera ka Bogosi.

    Dikgang tsa gore bo a busa,

    Re di rera ’fatsheng lotlhe

    Nako e setse e fitlhile

    Ya go nna re itumetse

    Mo lefatsheng la Paradaise

    Re tshela ka bosakhutleng.

    (KHORASE)

    Boipelo jwa rona ke Jah,

    Le popo yotlhe ya gagwe.

    Dikakanyo le ditiro tsa ’gwe,

    Di molemo mme di maatla!