Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 112

Jehofa, Modimo wa Kagiso

Jehofa, Modimo wa Kagiso

(Bafilipi 4:9)

  1. 1. Jehofa’o lorato,

    Modimo wa kagiso.

    Re kopa moya wa gago,

    Gore re dire tshiamo.

    Tumelo ya rona,

    Mo go Jesu Kresete

    E re bulela ditsela;

    Tsa go nna ’tsala tsa ’go.

  2. 2. Moya o’o boitshepo

    Le Lefoko la gago,

    Di’a re kaela, di’a re thusa,

    Di re ntsha mo lefifing.

    Go fitlha o tlosa

    Dintwa tsotlhe le pogo,

    Re neye moya wa gago

    Mme re nne le kagiso.

  3. 3. O na le phuthego

    Ya ba ba go’ikobelang.

    Re direla ka kutlwano

    Re rera ka Bogosi.

    Bogosi jwa gago

    Bo tla fedisa dintwa.

    Mme batho ba ba boikobo

    Ba tla tshelela ruri.